1 Chronicles 15:16 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Dafite a bua le bagolo ba Balefi, gore ba tlhome bana ba ga rraabo go nna baopedi, ba na le diletso tsa kopelo, disaletere, le diharepe le disemebala, ba dira modumo o mogolo, gore ba tsholetse mantswe ka boitumelo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi Davide a bua le balaori ba Baleva go laola bana ba ga rabo go na baoperi ka lilo tsa kopelo, eboñ ka lisaletare, le liharepe, le lisembala, go utluatsa ka go culetsa koru ka boitumelo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Dafita a bolela le dikgosana tsa Balefi gore di kgethe bana babo bona gore e be diopedi ka diletso tsa mmino, diharepa le diletso tsa dithapo, ba lla lentsu la lethabo.
Tswana Setswana 1970
Dafita a ba a laela ba bagolo ba Balefi gore ba emise ba ga bone ba e leng baopedi ba tshotse diletso, e bong diharepa le dikwadi le matlhao-a-mabogo gore ba utlwatse ditumo tsa boitumelo ka go tlhatlosa mantswe.