1 Chronicles 26:31 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mo go Baheberone, Jerija e ne e le yo mogolo, e bong wa Baheberone, ka fa makgotleng a bone ka mantlo a borara. Ya re ka ngwaga wa 40 wa puso ya ga Dafite, ba ne ba batlwa, mme ga fitlhelwa mo go bone diganka tse di pelokgale kwa Jasere wa Gileate.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Oa Baheberona, Yeriye e le le tlogo ea Baheberona, kaha kokomaneñ tsa bo‐rague. Ba le ba batloa ka ñuaga oa bo‐forte oa pusho ea Davide, mi ga bonoa go bona ligañka tsa bonatla kua Yasera oa Gileada.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gare ga Baheberu go be go na le Jeriya, kgosana ya Baheberu go ya ka meloko ya bona; Ngwageng wa masome a mane wa puso ya Dafita ba ile ba tsongwa, le gare ga bona gwa hwetswa banna ba bagale kua Jasere kua Gileada.
Tswana Setswana 1970
Tlhogo ya boora Heberone e ne e le Jeria. – Go ne go batlwa boora Heberone ka fa ditshikeng tsa bone le malapeng a bone ka ngwaga wa 40 wa puso ya ga Dafita, ga fitlhelwa banna ba dinatla mo go bone kwa Jasere wa Gileate.