1 Chronicles 28:1 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Dafite a phutha dikgosana tsotlhe tsa Iseraele, dikgosana tsa ditso le balaodi ba mašomo a a direlang kgosi ka phapaano, le balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo, le balaodi ba thoto le dithuo tsa kgosi le tsa bomorwaa yone, ba na le maotlana, le diganka e bong diganka tsotlhe tse di pelokgale, a ba phuthela kwa Jerusalema.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
MI Davide a phuthela Yerusalema balaori botle ba Bayeserela, balaori ba lico, la balaori ba ba rihelañ khosi ka liphapano, le balaori ba mathousanda, le balaori ba mahundereda, le balaori ba lithoto cotle le likhomu tsa khosi, le bomoroaue, le likala, le ligañka, le banona ba bonatla botle.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Dafita a bea dikgosana ka moka tsa Baiseraele, dikgosana tsa meloko, le balaodi ba dikate le ba makgolo, le babusi ba dithoto ka moka tsa kgosi le dithoto tsa kgosi. Le barwa ba gagwe, le dikgosana tsa gagwe, le bagale ba gagwe, le bagale ka moka ba bagale, go fihla Jerusalema.
Tswana Setswana 1970
Jaanong Dafita a kgobokanya dikgosana tsotlhe tsa Iseraele, e bong dikgosana tsa ditso le balaodi ba ditlhopha tsa ba ba direlang kgosi le balaodi ba dikete le balaodi ba makgolo le baokamedi ba dithoto tsotlhe le dithuo tsotlhe tsa kgosi le tsa bomorwaa-yona, ba na le badiredi ba lapa la kgosi le bagale le batlhabani botlhe ba ba pelokgale, a ba phuthela kwa Jerusalema.