1 Chronicles 5:20 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba thusiwa mo go tlhabaneng nabo, mme Bahagere ba tsenngwa mo seatleng sa bone, le botlhe ba ba neng ba na nabo; gonne mo ntweng ba ne ba goela kwa Modimong, mme wa ba rapelesegela; ka gobo ba ne ba ikantse mo go one.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba ba thuserioa, mi Bahagara ba tseñoa mo atleñ tsa bona, le botle ba ba nañ nabo: gone ba khayayegela Morimo ba le mo tlabanoñ, mi oa rapelesega go bona: gone ba o ikanya.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba thuswa go lwa le bona, le Bahagari ba gafelwa diatleng tsa bona le bohle bao ba bego ba na le bona; ka gobane ba be ba Mo tshepile.
Tswana Setswana 1970
mme ba thusega ba ba fenya. Bahagare le botlhe ba ba neng ba na nabo ba neelwa mo diatleng tsa bone; gonne ba ne ba tlhaeleditse Modimo ba le mo tlhabanong, mme wa ba utlwa, ka ba o ikanya.