1 Corinthians 1:17 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne Keresete ga a a ka a nthoma gore ke ye go kolobetsa, fa e se gore ke ye go rera Mafoko a a Molemo; mme e be e se ka botlhale jwa puo, e se re kgotsa mokgoro wa ga Keresete wa dirwa lefela fela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone Keresete ga a ka a ’nthomela go bapetisa, mi e le le go rera evangelio; esiñ ka botlale yoa mahuku, gore mokhoro oa ga Keresete o si thatohololoe.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Gonne Keresete ga a nthomela go tla go kolobetsa, fa e se go rera Mafoko a a Molemo; mme le thero ya me e utlwala e le bokoa, gonne ga ke tlatse thero ya me ka mafoko a a boteng le tumo ya megopolo e e kwa godimo, ke tshaba go tima nonofo e kgolo e e mo molaetseng o o motlhofo wa mokgoro wa ga Jesu Keresete.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane Keresete ga se a nthoma go kolobetsa, eupsa go bolela Ebangedi;
Tswana Setswana 1970
Gonne Keresete ga a nthoma gore ke kolobetse, mme e le gore ke rere Efangele, e seng ka botlhale jwa puo, gore sefapaano sa ga Keresete se se ka sa nna lefela.