1 Corinthians 1:27 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Modimo o itshenketse dilo tse di kaiwang dinyana ke lefatshe, gore o tlhabise ba ba botlhale ditlhong; e bile gape Modimo o itshenketse dilo tse di kaiwang bokoa ke lefatshe, gore o tlhabise dilo tse di nonofileng ditlhong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone Morimo o itseñketse tsa bosilo tsa lehatse, gore o silohatse matlale; mi Morimo o itseñketse tse ri bokoa tsa lehatse, gore o silohatse lilo tse ri thata;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mo boemong jwa moo, Modimo o tlhophile ka bomo fela go dirisa ditlhaloganyo tse batho ba lefatshe ba di bonang di le boeleele, ebile di sena mosola, e le go tlhabisa ditlhong batho ba lefatshe le ba ba bonwang ba tlhalefile thata, ebile ba le bagolo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa Modimo o kgethile dilo tsa bosilo tsa lefase go hlabisa ba bohlale dihlong; leModimo a kgetha mafokodi a lefase go hlakahlakanya dilo tse maatla;
Tswana Setswana 1970
Mme tse di kaiwang bosilo mo lefatsheng ke tsona tse Modimo o di itlhaoletseng gore o tlhabise matlhale ditlhong; le tse di kaiwang bokoa mo lefatsheng ke tse Modimo o di itlhaoletseng gore o tlhabise tse di thata ditlhong;