1 Corinthians 10:13 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga lo a welwa ke thaelo epe e e sa ka keng ya itshokelwa ke motho, mme Modimo o boikanngo, o o se ketlang o lo lesa lwa raelwa ka mo go fetang nonofo ya lona; mme o tlaa re mo thaelong o lo baakanyetse kgoro ya phalolo le yone, gore lo tle lo bone go e itshokela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ga gona thaelo epe e e lo cuereñ ha e si e e potlana; mi Morimo o boikanyo, o o si kitlañ o lo lesa go raeloa bogolu go thata ea lona; mi o tla naea le eona tsabo mo thaeloñ gore lo e icokele.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme gakologelwang se, dikeletso tse di bosula tse di tlang mo botshelong jwa lona ga se sepe se sesha le se se pharologanyo. Ba le bantsi ba ne ba lebagana le mathata a a ntseng fela jalo pele ga lona. Mme ga go na thaelo epe e e sa kganelesegeng. Lo ka tshepa Modimo go kganela thaelo gore e se ka ya nna le thata mo lo sa ka keng lwa e fenya, gonne Morena o solofeditse se, mme o tlaa diragatsa se a se buileng. O tlaa lo supegetsa ka fa lo ka falolang nonofo ya thaelo ka gone gore lo kgone go itshoka kgatlhanong le yone.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ga go moleko wo o go swerego ge e se bjalo ka motho; eupsa Modimo o a botega, yo a ka se le dumelelego go lekwa go feta matla a lena; eupsa gape o tla dira tharollo le moleko, gore o kgone go o kgotlelela.
Tswana Setswana 1970
Lona ga lo ise lo tshwarwe ke thaelo epe e e ka palelang motho. Mme Modimo o boikanyo, o o se kitlang o lo lesa lwa raelwa mo go fetang thata ya lona, mme o tla lo direla phatlha mo thaelong gore lo kgone go e itshokela.