1 Corinthians 12:3 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke gone ke a lo tlhaloganyetsa, gore ga go ope yo e a reng a bua ka Mowa wa Modimo, a ba a ka re: “Jesu o hutsegile,” mme ga go motho ope yo o ka reng: “Jesu ke Morena,” fa e se ka Mowa o o Boitshepo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ki gona ki lo itsiseñ, ha go si ope eo o buañ ka Moea oa Morimo eo o ka bitsañ Yesu thogako; mi ga go ope eo o ka reñ Yesu ki Morena, ha e si ka Moea oa Boitsepho.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
[Mme jaanong lo kopana le batho ba ba reng ba bua melaetsa e e tswang mo Moweng wa Modimo.] Lo itse jang gore ba tlhotlheleditswe ke Modimo tota kgotsa ke batsietsi? Itlhatlhobo ke e: ga go na ope yo o buang ka nonofo ya Mowa wa Modimo yo o ka hutsang Jesu, le gone ga go na ope yo o ka reng, “Jesu ke Morena,” mme e le boammaaruri, fa a sa thusiwe ke Mowa O O Boitshepo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona ke le fa gore le kwesise gore ga go yo a bolelago ka Moya wa Modimo yo a bitsago Jesu gore ke thogako, le gore ga go yo a ka bolelago gore Jesu ke Morena ge e se ka Moya o Mokgethwa.
Tswana Setswana 1970
Ke ka moo ke lo itsiseng gore ga go ope yo e ka reng a bua ka Mowa wa Modimo a re: “A go hutsiwe Jesu!” E bile ga go ope yo o ka reng: “Jesu ke Morena!” fa e se ka Mowa o o Boitshepo.