1 Corinthians 16:15 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ke a lo rapela bagaetsho, lo a ba itse ba ntlo ya ga Setefanase, fa e le mabutswapele a lefatshe la Akaia, e le ba ba ineetseng go direla baitshepi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi kia lo rapela, bakauleñue, (loa itse ba ntlu ea ga Setefano, ha e le ba ntla ba Akaia, mi ba le ba inela tiheloñ ea baitsephi,)
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
A lo gakologelwa Setefanese le ba ntlo ya gagwe? Ke bone ba ntlha go nna Bakeresete mo Akaia mme ba dirisa matshelo a bone mo go thuseng Bakeresete gongwe le gongwe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bana beso, ke a le kgothatsa (le tseba ba ntlo ya Stefana, gore ke maitsibulo a Akaya, le gore ba itira makgoba a bodiredi bja bakgethwa).
Tswana Setswana 1970
Bakaulengwe, ke a lo rapela – Lo itse ba ntlo ya ga Setefane gore ke bone badumedi ba ntlha ba Agaya, mme ba ineetse mo tirelong ya go direla baitshepi –