1 Corinthians 3:13 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
tiro ya mongwe le mongwe e tlaa bonadiwa; gonne letsatsi le tlaa e bolela ka e senolwa ke molelo; molelo ka osi o tlaa leka tiro ya mongwe le mongwe ka fa e ntseng ka teng.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Tiho ea moñue le moñue e tla senoloa; gone motla o tla e bonatsa, gone e tla senosioa ka molelo; mi molelo o tla leka tiho ea moñue le moñue kaha entseñ ka gona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme go tlaa tla lobaka lwa tlhatlhobo ka letsatsi la ga Keresete la Katlholo go bona mofuta wa didirisiwa tse moagi mongwe le mongwe o di dirisitseng. Tiro ya mongwe le mongwe e tlaa tsenngwa mo gare ga molelo go re botlhe ba tle ba bone gore a e tlaa tshegetsa selekanyo sa yone kgotsa nnyaa, le gore go bonwe ka fa go dirilweng ka teng.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Modiro wa yo mongwe le yo mongwe o tla utollwa, gobane letsatsi le tla o bontsha, ka gobane o tla utollwa ka mollo; lemollo o tla leka mosomo wa bohle, gore o bokae.
Tswana Setswana 1970
tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatsega; gonne letsatsi la katlholo le tla e bonatsa, ka e tla senolwa ka molelo, mme molelo o tla leka tiro ya mongwe le mongwe gore e ntse jang.