1 Corinthians 4:6 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana bagaetsho, dilo tse, ke di beile mo go nna le mo go Apolose ka setshwantsho ka ntlha ya lona; gore lo ithute ka rona, gore lo se ka lwa fetela kwa pele ga dilo tse di kwadilweng; gore go se nne ope wa lona yo o belafalang ka yo mongwe, mme a nyatse yo mongwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi, bakauleñue, lilo tse ki li itekantse le Apolo ka secuanco, ka ntla ea lona; gore lo ithute ka rona, esiñ go ikutlua bogolu mo go se se kuariloeñ; gore go si ne ope oa lona eo o burulogelañ, moñue ha pele ga eo moñue.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ke dirisitse Apolose le nna jaaka dikai go supa se ke ntseng ke se bua: gore lo se ka lwa nna le ba lo ba ratang thata. Ga lo a tshwanela go ikgantsha ka mongwe wa baruti ba Modimo go feta ba bangwe.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bana beso, dilo tse ke di fetiseditse ka sebopego go nna le go Apollo ka baka la lena. E le gore le ithute go rena gore le se ke la nagana ka batho go feta tse di ngwadilwego, gore go se be le o tee wa lena yo a ikgogomosago.
Tswana Setswana 1970
Ba ga etsho, dilo tseo ke di lebisitse mo go nna le Apolo ka ntlha ya lona gore lo ithute ka rona, mme lo se nne le maikutlo a a fetang tse di kwadilweng, gore go se nne ope mo go lona yo o ikgogomosang ka moruti mongwe, a nyatsa yo mongwe.