1 Corinthians 7:25 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana ka ga makgarebane ga ke na taolo ya Morena, mme ke atlhola jaaka mongwe yo o bonyeng boutlwelobotlhoko mo Moreneng, gore ke nne boikanngo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi yana ga ki na taolo ea Morena kaga bona makharebe; leha gontse yalo ki bua maikutluo a me, yaka eo o bonyeñ boicuarelo Moreneñ go na boikanyo.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Jaanong ke tlaa leka go araba potso e nngwe ya lona. Go ka tweng ka barweetsana ba ba iseng ba nyalwe? A ba tshwanetse go letlelelwa go dira jalo? Mo karabong ya potso e, ga ke na taolo e e tlhomameng ya bone go tswa mo Moreneng. Mme Morena mo bobelotlhomoging jwa gagwe o nneile botlhale jo bo ka tshephegang, mme ke tlaa itumelela go lo bolelela se ke se akanyang.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ga ke na taelo ya Morena mabapi le dikgarebe; le ge go le bjalo ke neela kahlolo ya ka bjalo ka yo a hweditsego kgaugelo go Morena gore ke botege.
Tswana Setswana 1970
Ntlheng ya makgarebe gona ga ke na taolo ya Morena, mme ke bolela maikutlo a me, nna yo ke bonyeng kutlwelo-botlhoko ya Morena gore ke nne yo o ikanyegang.