1 Corinthians 8:7 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Le fa go ntse jalo kitso eo ga e mo bathong botlhe. Bangwe, e re ka ba lemilwe ke modimo wa sesetwa, le jaana ba ja dijo tse ka go re, ke dijo tse di iseditsweng modimo wa sesetwa; mme dipelo tsa bone, ka di le bokoa, di leswafadiwe.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Leha gontse yalo, kico e ga eeo mo go botle; gone bañue ba sa ya se se shupelecoeñ merimo ea liseto le go yana ka segakolori sa morimo oa seseto; mi ka ligakolori tsa bona li si thata, ba leshueharioa.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba bangwe ga ba lemoge selo se. Mo matshelong a bone otlhe ba ntse ba akantse medimo ya disetwa gore e a tshela, le go dumela gore dijo tse di diretsweng medimo ya disetwa di neetswe medimo tota. Jalo fa ba a ja dijo tseo di a ba sulafalela ebile di koafatsa digakolodi tsa bone.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa ga se motho yo mongwe le yo mongwe yo a nago le tsebo yeo; letswalo la bona le le fokolago le silafaditswe.
Tswana Setswana 1970
Mme kitso eo ga e mo go botlhe; bangwe go fitlha jaanong ba sa ntse ba tlwaetse modimo wa seseto, ba ja nama eo ka tumelo ya gore ke setlhabelo sa medimo; jaanong digakolodi tsa bone tse di bokoa di kgotlelege.