1 John 4:10 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Lorato lo mo, e seng gore re ratile Modimo, fa e se gore, o ratile rona, mme wa roma Morwa one go tla a nna seletlanyo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Lorato lo mo, esiñ go re, re le ra rata Morimo, mi o lo oa re rata, mi o lo oa roma Moroa ona, go na thuanyeco ea libe tsa rona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ka tiro e, re bona gore lorato lwa boammaaruri ke eng: ga se ka fa re ratang Modimo ka teng, mme ke lorato lwa One mo go rona go simolola ka nako e o neng o roma Morwaone go tla go nna setlhabelo se se ntsheditsweng dibe tsa rona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lerato le ga se la gore re ratile Modimo, eupsa o re ratile lea roma Morwa wa gagwe e le poelano ya dibe tsa rena.
Tswana Setswana 1970
Lorato lo ntse jaana: Ga se rona re ratileng Modimo, mme ke ona o ratileng rona, wa romela Morwaa-ona go nna thuanyo ya maleo a rona.