1 Kings 11:2 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E le ba merafe e Jehofa o ne a bua ka ga yone le bana ba Iseraele, a re: “Lo se ka lwa ya mo go bone, le bone ba sa ka ba tla mo go lona; gonne ruri ba tlaa faposetsa dipelo tsa lona kwa medimong ya bone.” Solomone a ngaparela bone bao mo loratong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ba merahe, e Yehova o la a raea bana ba Yeserele kaga eona, Lo si tsene mo go bona, mi bona a ba si tsene mo go lona: gone rure ba tla haposetsa pelu tsa lona go merimoñ ea bona: Solomone a ñaparela bauo ka lorato.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
o gare ga ditshaba tseo Jehofa a boditsego Baiseraele ka tsona gore: “Le se ka la tsena go bona, le bona ba se ka ba tsena go lena;
Tswana Setswana 1970
ba tswa kwa ditšhabeng tse Morena o laetseng Baiseraele ka ga tsona a re: “Lo se ka lwa tsena mo go bone, le bone ba se ka ba tsena mo go lona, e se re gongwe ba faposetsa dipelo tsa lona kwa medimong ya bone.” Bone bao Salomo a ba ngaparela ka lorato.