1 Kings 11:33 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ka ntlha ya gobo ba ntatlhile, ba obametse Ašetorethe modimo wa sesadi wa Basitone, le Kemoše modimo wa Moabe, le Milekome modimo wa bana ba Amone; ga ba a sepela mo ditseleng tsa me go dira se se siameng mo matlhong a me, le fa e le go tshegetsa melao ya me le dikatlholo tsa me, jaaka Dafite rraagwe a ne a dira.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone ba ’ntatlile, ba obamela Ashetarote morimo oa sesari oa Batsidona, le Kemoshe morimo oa Bamoaba, le Milekome morimo oa bana ba Amenone, mi ba si ka ba sepela mo tseleñ tsa me, go riha se se thokhameñ mo maitloñ a me, eboñ taeo tsa me, le litsiamisho tsa me, yaka Davide rague.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gobane ba ntlogetse le ba khunamela Ashotorethe modimogadi wa Basidone, Kamose modimo wa Moaba le Milikomo modimo wa bana ba Amoni le ba se ba sepela ditseleng tsa ka gore ba dire se se lokilego le se se lokilego go boloka melao ya ka le ditaelo tsa ka, bjalo ka ge Dafita tatagwe a dirile.
Tswana Setswana 1970
Ke ka gonne o ntlogetse, a obamela Ašethorethe modimo wa sesadi wa Basitone le Kamose modimo wa Bamoabe le Milekome modimo wa Baamone, mme a se ka a sepela mo ditseleng tsa me ka go dira tse di siameng mo matlhong a me, e bong melao ya me le ditshiamelo tsa me jaaka Dafita rraagwe.