1 Kings 12:24 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
‘Jehofa o bua jaana, a re: Lo se ka lwa bolola, le fa e le go tlhabana le bana ba ga rraeno, bana ba Iseraele; a mongwe le mongwe a boele ntlong ya gagwe, gonne selo se, se tswa mo go nna.’ ” Mme ba reetsa lefoko la ga Jehofa, ba boa, ba ikela tseleng tsa bone, ka fa lefokong la ga Jehofa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Go bua yalo Yehova, Si bololeñ, le esiñ go tlabana le bana ba Yeserele bana ba rra‐enu: a moñue le moñue a boele kua tluñ ea gague; gone seo se se coa go ’na. Mi ba utlua lehuku ya Yehova, mi ba boea, ba tloga kaha hukuñ ya Yehova.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehofa a re go yena: “O se ka wa rotogela bana beno bana ba Baiseraele; yo mongwe le yo mongwe a a boele ntlong ya gagwe; gobane selo se ka sa ka. Ka gona ba theetsa lentsu la Jehofa le ba retologa ba tloga, go ya ka lentsu la Jehofa.
Tswana Setswana 1970
‘Morena o bua jaana a re: Lo se ka lwa bolola go ya go tlhabana le Baiseraele bomorwa-rraalona. A mongwe le mongwe a boele kwa lapeng la gagwe. Gonne selo seo se dirilwe ke nna.’ ” Ba utlwa lefoko la Morena, ba boela gae ka fa lefokong la Morena.