1 Kings 19:10 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A re: “Ke ntse ke le lefufa ka ga Jehofa, Modimo wa masomosomo; gonne bana ba Iseraele ba latlhile kgolagano ya gago, ba rutlolotse dibeso tsa gago, ba bolaile baperofeti ba gago ka tšhaka; mme nna ke setse ke le nosi fela, le botshelo jwa me ba a bo senka, go bo tlosa.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a re, Ki huhanyeritse Yehova Morimo oa lintua: gone bana ba Yeserele ba latlile kholagano ea gago, ba rutlile aletara tsa gago, ba bolaile baperofeti ba gago ka caka; mi ’na ki setse ki le ’nosi; mi ba batla botselo yoa me, go bo tlosa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A re: “Ka hufegetse Jehofa Modimo wa madira kudu, ka gobane bana ba Baiseraele ba tlogetse kgwerano ya gago, ba lahlela disebeso tsa gago le ba bolaile baporofeta ba gago ka tshosa; le ka sala ka nnosi; le ba nyaka go ntsea bophelo.
Tswana Setswana 1970
A araba a re: “Ke lwetse Morena, Modimo wa masomosomo, ka tlhoafalo; gonne Baiseraele ba tlogetse kgolagano ya gago, ba thubagantse dialetare tsa gago, ba bolaile baporofeti ba gago ka tšhaka, mo go setseng nna ke le nosi fela, mme ba batla go mpolaya.”