1 Kings 19:11 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme A re: “Tswela kwa ntle, o eme mo thabeng fa pele ga Jehofa.” Mme bonang, Jehofa a feta, mme phefo e kgolo e e thata ya phatlola dithaba, ya thubaganya mafika fa pele ga Jehofa, mme Jehofa a bo a se mo phefong; morago ga phefo ga nna thoromo ya lefatshe; mme Jehofa a bo a se mo thoromong ya lefatshe;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a re, Coa, u eme mo thabeñ e, ha pele ga Yehova. Mi bonañ, Yehova a heta, mi pheho e kholu le e e thata ea gagola lithaba, e thubaganya mahika ha pele ga Yehova; mi Yehova o la a sieo mo phehoñ; mi ga na thoromo ea lehatsi morago ga pheho e; mi Yehova o la a sieo mo thoromoñ ea lehatsi.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A re: “Tswela pele o eme thabeng pele ga Jehofa.” Jehofa a feta, phefo e kgolo le e matla ya gagola dithaba, ya pshatlaganya maswika pele ga Jehofa; eupsa Jehofa o be a se phefong, le ka morago ga phefo ya tshisinyega; eupsa Morena o be a se tshisinyegong ya lefatshe.
Tswana Setswana 1970
Mme Morena a re: “Tswela kwa ntle o eme mo thabeng fa pele ga Morena.” Ke fa Morena a feta, mme Morena a etelelwa pele ke ledimo le legolo le le thata le le phatlolang dithaba le le thubaganyang mafika, mme Morena o ne a se yo mo ledimong. Ledimo la latelwa ke thoromo ya lefatshe, mme Morena O ne a se yo mo thoromong ya lefatshe.