1 Kings 5:17 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Kgosi ya laola, mme ba epolola maje a magolo, maje a a thata go rekwa, go tla go thaya motheo wa ntlo ka maje a a betlilweng.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi khosi ea laola, mi ba tlisa maye a magolu, le maye a a kaioañ, le maye a a betliloeñ, go thaea motheo oa eintlu.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Kgosi ya laela gore ba tlise maswika a magolo, maswika a go bitsa tshelete e ntsi, le maswika a go betlwa, gore ba thee motheo wa ntlo.
Tswana Setswana 1970
Kgosi e ne e laetse gore ba epe majwe a magolo, majwe a tlhwatlhwa e kgolo gore go thaiwe motheo wa Ntlo ya Modimo ka majwe a a betlilweng.