1 Kings 6:15 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A aga dimota tsa ntlo ka fa teng ka dimati tsa masetara; go tswa bophaphathong jwa ntlo le go ya dimoteng tsa ditlhomeso a di khurumetsa ka fa teng ka dimati; a khurumetsa bophaphatho jwa ntlo ka dimati tsa mafira.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a aga limota tsa eintlu kua teñ ka limati tsa mosedara; go simolola ka bopapato yoa eintlu go ea kua tlomeshoñ ea limota: a li manega kua teñ ka likhoñ, mi a khurumetsa bopapato yoa eintlu ka limati tsa mofira.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gare ga ntlo a aga maboto a ntlo ka dipolanka tsa mosedere, lebatong la ntlo le maboto a marulelo; a e khupetsa ka dikota ka gare, a khupetsa lebato ka dikota tsa mosedere.
Tswana Setswana 1970
dipota tsa yona ka fa teng a di manega dipati tsa mesetere; go tloga fa fatshe go fitlha kwa ditlhomesong. Ntlo ya Morena ka fa teng a e manega dikgong; mme bodilo jwa Ntlo ya Morena a bo ala dipati tsa mesiperese.