1 Kings 7:31 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Molomo wa lone ka fa teng ga tlhogo le kwa godimo o le selekanyo sa disentimetara di le 45; molomo wa lone o le phogotlha jaaka popego ya lekotwana, e le disentimetara di le 18; mo molomong wa lone go le maseto, le masinamelo a tsone a le dintlha tse di lekalekanyeng di le nne, a se sediko.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi molomo oa ona e le le kua teñ ga tlogo, oa bogorimo yoa kubeta e le eñue: mi molomo oa ona e le le kubeta le eintla eñue ea kubeta tikologoñ kaha tihoñ ea lonao: mi maseto e le le mo molomoñ oa ona, le masinamelo a cona e le le manya, a si borikologo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Molomo wa yona ka gare ga motse-mosate le ka godimo e be e le kubiti e tee, molomo wa yona e be e le kubiti le seripa go ya ka modiro wa ka godimo; ka molomong go be go na le diswantsho tse di betlilwego, ka mahlakoreng a yona, a sephara, e sego nkgokolo.
Tswana Setswana 1970
Molomo wa yona fa go tsenang mogopo o ne o le fa gare ga dinaka; boteng jwa ona e le letsogo. Molomo wa yona o ne o le tshekeletsa, o le kgapa gore mogopo o tsene. Bophara jwa ona e le letsogo le bontlhanngwe jwa lone. Le mo tikologong ya molomo wa yona go setilwe ditshwantsho. Mme mepako ya ona e ne e na le dikhutlo tse nne e se potokwe.