1 Peter 1:12 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga senolelwa bone bao fa ba sa itirele, mme ba direla lona ka dilo tseo, tse gompieno lo di itsisitsweng ke ba ba lo reretseng Mafoko a a Molemo, ka Mowa o o Boitshepo o o romilweng o tswa legodimong; e le dilo tse baengele ba eletsang go leba mo go tsone.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Ba go bonatsegetseñ go bona, ha ba le ba sa itihele, mi ba rihetse rona ka lilo tse, tse lo li neiloeñ ki bona ba ba lo reretseñ evangelio ka Moea oa Boitsepho o o romecoeñ o coa mo legorimoñ; lilo tse baengele ba eletsañ go leba mo go cona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Ba ne ba bolelelwa kwa morago gore dilo tse ga di kitla di diragala mo lobakeng lwa botshelo jwa bone, mme e leng morago ga dingwaga tse di tlang, mo lobakeng lwa lona. Mme jaanong kwa bofelong Mafoko a a Molemo a, re a boleletswe sentle rotlhe. Re a reretswe ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo o o buileng le bone; mme ga go a tlwaelesega ebile go a hakgamatsa gore le e leng bone baengele kwa legodimong ba tlaa dira thata go itse kaga gone.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Bao ba utolotswego gore ga se ba itlhamela, eupsa ba re direla dilo tseo bjale le di boletswego ke bao ba le boditsego Ebangedi ka Moya o Mokgethwa wo o theogilego legodimong. Ke dilo dife tseo barongwa ba kganyogago go di lebelela.
Tswana Setswana 1970
Ke fa ba senolelwa gore ga ba itirele, mme ba direla lona ka go bolela dilo tseo, tse gompieno lo di reretsweng ke ba ba lo boleletseng Efangele ka Mowa o o Boitshepo o o rometsweng o tswa kwa legodimong, e le dilo tse baengele ba eletsang go di leba.