1 Samuel 2:36 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Go tlaa dirala go re, mongwe le mongwe yo o tlaa tlogelwang mo ntlong ya gago, o tlaa tla a mo ikobela go tla a bona papetlana ya selefera, le kgolokwe ya senkgwe, mme o tlaa rapela gore a tsenngwe mo tirong nngwe ya baperesiti, gore a tle a bone dijonyana.’ ”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi go tla rihala, moñue le moñue eo o setseñ oa eintlu ea gago, o tla tla, a mo ikobela lerenyana ya selevera, le kholokoe ea señkhue, mi o tla re, A ko ’ntsele eñue ea tihelo ea boperiseto, gore ki ye thathanyana ea señkhue.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Motho yo mongwe le yo mongwe yo a setsego ntlong ya gago a khunamele yena ka silifera le senkgwa, a re: “Ntlise go yo mongwe wa baperisita.” Diofisi, gore ka kgone go ja seripa sa bogobe.
Tswana Setswana 1970
Mongwe le mongwe wa masalela a lelapa la gago o tla tla, a mo ikôbêla go kopa ledi la selefera le kgolokwe ya senkgwe a re: A ko o ntsenye mo tirong ya boperesiti, ke tle ke je thathana ya senkgwe.’ ”