1 Samuel 23:26 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Saule a pota thaba kwano, Dafite le banna ba gagwe ba pota thaba ka ntlha e nngwe; Dafite a itlhaganela go tsamaya ka ntlha ya go boifa Saule; gonne Saule le banna ba gagwe ba ne ba dika Dafite le banna ba gagwe go tla ba ba tshwara.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Saule a ea eintleñ enu ea thaba, le Davide le banona ba gague eintleñ e eñue ea thaba: mi Davide a akoha go tsaba Saule; mi Saule le banona ba gague ba rikanyeletsa Davide le banona ba gague go ba cuara.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Saulo a tswela pele ka mosola wa thaba, Dafita le banna ba gagwe ba tswela pele ba ya ka mosola wa thaba. Gobane Saulo le banna ba gagwe ba be ba dikanetsa Dafita le banna ba gagwe gore ba ba thope.
Tswana Setswana 1970
Saule le banna ba gagwe ba tsamaya go pota thaba ka kwano, mme Dafita le banna ba gagwe ba tsamaya go pota thaba ka kwa. Mme ya re Dafita a itlhaganela go tshaba, ka a boifa Saule, Saule le banna ba gagwe ba dikanyetsa Dafita le banna ba gagwe gore ba ba tshware.