1 Samuel 23:5 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Dafite le banna ba gagwe ba ya kwa Keila, ba tlhabana le Bafilisitia, ba gapa dikgomo tsa bone ba tsamaya natso, ba ba bolaya ka polao e kgolo. Mme Dafite a golola banni ba Keila.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Davide le banona ba gague ba ea Keila, ba tlabana le Bafiliseta, ba ba khemetha ka khemetho e kholu, ba gapa likhomu tsa bona. Mi Davide a golola banni ba Keila.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka gona Dafita le banna ba gagwe ba ya Kaila, ba lwa le Bafilisitia, ba tlisa dikgomo tsa bona, ba di bolaya ka polao e kgolo. Ka gona Dafita a pholosa badudi ba Kaila.
Tswana Setswana 1970
Ke fa Dafita a ya kwa Kehila a na le banna ba gagwe, a tlhabana le Bafelesita, a gapa diruiwa tsa bone, a ba bolaya ka polao e kgolo. Dafita a pholosa baagi ba Kehila jalo.