1 Samuel 7:6 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ba phuthegela kwa Misepa ba ga metsi, ba a thela fa pele ga Jehofa, ba ikitsa go ja ka tsatsi leo ba re: “Re leofetse Jehofa.” Samuele a atlhola Iseraele mo Misepa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ba phuthegela Mitsepa, ba ga metse ba a thela ha pele ga Yehova, ba riha pisho go ya ka tsatsi yeuo, mi hoñ ba re, Re leohetse Yehova. Mi Samuele a siamisa bana ba Yeserele kua Mitsepa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ba kgobokana Mitsipe, ba ga metsi, ba a tshollela pele ga Jehofa, ba ikona dijo letsatsing leo, ba re moo: “Re senyetse Jehofa.” Samuele a laela bana ba Baiseraele gore ba ye Mitseva.
Tswana Setswana 1970
Ke fa ba phuthegela kwa Mitsepha, ba ga metsi, ba a tshololela fa pele ga Morena, ba itima dijo ka letsatsi leo, ba ipobola teng ba re: “Re leofetse Morena.” Mme Samuele a siamisa Baiseraele kwa Mitsepha.