1 Samuel 9:13 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Lo tlaa re fela lo sena go tsena mo motseng lo akofe lo mmone, a ise a tlhatlogele kwa felong fa go tlotlometseng a ya go ja; gonne batho ga ba ketla ba a ja a ise a tle, ka gobo o tla a segofatse tlhabelo; morago go je ba ba laleditsweng. Ke gone jaana tlhatlogang; gonne ka lobaka lono lo tlaa mo fitlhela.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Etlare lo sina tsena mo motseñ, lo tla akoha lo mona, a e si a ee kua heloñ ga gorimo go ya; gone bathu ba si kitla ba ya a e si a tle, gone o tsegahatsa tlabelo; mi morago ga mouo ba ba birioañ ba ya. Ki gona lo eañ yana; gone ena, lo tla mona ka yenu.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gateetee ge o tsena motseng, o tla o hwetsa gateetee pele o rotogela lefelong le le phagamego go yo ja; gobane setshaba se ka se je go fihlela a etla, le sa segofatsa sehlabelo; le ka morago ba ja baeng. Ka fao ema bjale; gobane mo nakong ye o tla mo hwetsa.
Tswana Setswana 1970
E tla re lo tsena mo motseng, lo fitlhele a ise a tlhatlogele kwa thoteng go ya go ja. Gonne morafe ga o ka ke wa ja a ise a tle. Kana ke ene yo o tshegofatsang setlhabelo; morago ga moo balalediwi ba je. Jaanong he, tlhatlogang. Gonne lo tla mo fitlhela ka yona nako e.”