1 Thessalonians 2:14 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne lona, bagaetsho, lo tlogile lwa nna baetsi ba diphuthego tsa Modimo tse di mo Jutea mo go Keresete Jesu; gonne le lona lo bogisitswe dilo tse bone ba di utlwisitsweng botlhoko ke Bajuta;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone lona, bakauleñue, lo loa na balateri ba liekelesia, tse ri mo Yudea, tse ri mo go Keresete Yesu, gone le lona lo bogisericoe lilo tse rintseñ yalo ki ba morahe oa lona, yaka le bona mo Bayudiñ;
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, lo bogile se diphuthego mo Judea di se bogileng, lo bogisiwa ke ba ga lona, fela jaaka ba ne ba bogisiwa ke ba ga bone ebong Bajuta.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Gobane bana beso, le fetogile baekisi ba diphuthego tsa Modimo tseo di lego Judea ka Keresete Jesu;
Tswana Setswana 1970
Gonne lona, bakaulengwe, lo ne lwa nna balatedi ba diphuthego tsa Modimo tsa kwa Jutea tse di leng mo go Keresete Jesu, ka le lona lo ne lwa bogisiwa ke ba ga lona ka tse le bone ba bogisitsweng ke Bajuta ka tsona,