1 Timothy 3:16 — Compare Translations
5 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Kwa ntle ga kgang, boteng jwa bosaitseweng jwa poifo Modimo bo bogolo; ke go re: Ene yo o bonaditsweng mo nameng, a siamisiwa ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo merafeng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholelediwa kwa kgalalelong.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ga go pelaelo epe, bosaitsioeñ yoa poihomorimo bo bogolu; Morimo o loa bonatsega mo nameñ, o siamisicoe mo moeeñ, oa bonoa ki baengele, o reriloe mo bahaiteniñ, o rumecoe mo lehatsiñ, o culelecoe mo khalaleloñ.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Go boammaaruri tota gore go tshelela Modimo ga go motlhofo. Mme karabo e mo go Keresete, yo o tsileng mo lefatsheng a le mo setshwanong sa motho, yo o supegileng a sena selabe a bile a itshekile mo Moweng wa gagwe, yo o diretsweng ke baengele, a rerwa mo dichabeng, a amogelwa ke batho gongwe le gongwe mme a amogelwa gape mo kgalalelong ya gagwe kwa legodimong.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Sephiri sa borapedi ke se segolo ka ntle le ngangisano: Modimo o utolotswe nameng, a lokafaditswe ka Moya, a bonwa ke barongwa, a bolelwa go Baditshaba, a dumela lefaseng, a rotoswa ka letago.
Tswana Setswana 1970
Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re: Jesu o bonaditswe mo nameng, a supelwa tshiamo ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo baheitaneng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholediwa ka kgalalelo.