2 Chronicles 19:10 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E a tle e re kgang nngwe e tla kwa go lona e tswa mo baneng ba ga rraeno ba ba agileng mo metseng ya bone, gare ga madi le madi, le gare ga molao le taolo, le gare ga tao le katlholo, lo ba tlhagise, gore ba tle ba se ka ba nna molato mo go Jehofa, mme bogale jwa tla mo go lona le mo baneng ba ga rraeno; dirang mo, mme ga lo ketla lo nna molato.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi tse ri ganeloañ cotle tse ri tlañ go lona, tsa bana ba rra enu ba ba nnañ metseñ ea bona, gare ga mari le mari, le kaga molao le taolo, le litaeo, le litsiamisho, lo ba rute gore ba si itatuhaletse Yehova, mi bogale bo na go lona, le go bana ba rra enu: rihañ yalo, mi ga lo kitla lo latuharioa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Mabapi le bana beno: dira se, le se ka la tshela molao.
Tswana Setswana 1970
Tshekong nngwe le nngwe e e tlisiwang kwa go lona e tswa kwa go ba ga lona ba ba agileng kwa metseng ya bone, le fa e le ya polao gongwe ya molao le taolo gongwe ya ditshwanelo le ditshiamelo, lo ba tlhagise, e se re gongwe ba itsenya mo molatong fa pele ga Morena, mme bogale jwa tla, jwa lo betsa le ba ga lona. Dirang jalo; foo ga lo kitla lo nna molato.