2 Chronicles 19:4 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jehošafate a aga mo Jerusalema, a tswa gape a tsamayatsamaya mo bathong, go tswa Beerešeba go ya lefatsheng la Eferaime la makhujana, mme a ba busetsa mo go Jehofa Modimo wa borraabo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi Yehoshafate a nna mo Yerusalema: mi a hela a coelela mo bathuñ go simolola ka Bera‐sheba le go ea kua lithabeñ tsa Eferaima, a ba bosetsa go Yehova Morimo oa bo‐rabo.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehoshafate a dula Jerusalema, a boela gare ga setshaba go tloga Bereseba go ya thabeng ya Eferaime, a ba busetsa go Jehofa Modimo wa borakgolokhukhu ba bona.
Tswana Setswana 1970
Mme Josafate a nna kwa Jerusalema. A boela a tswela kwa bathong, a simolola kwa Bereseba go ya go fitlha kwa dithabeng tsa Eferaime, a ba busetsa kwa Moreneng, Modimo wa borraabo.