2 Chronicles 23:13 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A leba, mme bonang, kgosi ya bo e eme fa lekotwaneng fa botsenong, balaodi le bone ba le fa kgosing le ba dinaka; batho botlhe ba lefatshe ba itumela, ba letsa dinaka; baopedi le bone ba letsa ka dilo tsa kopelo, ba tlhabeletsa ka go opela pako. Foo Athalia a ikgagola diaparo a re: “Mooko! Mooko!”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a leba, mi bonañ, khosi ea ema ha pilareñ ea eona ha botsenoñ, le baoperi le baterompeta ha khosiñ: mi bathu ba lehatsi botle ba itumela, ba letsa literompeta, le baoperi ba na le lilo tsa kopelo, go itsise go opela pako. Ereha gona Atalie o gagolañ aparo tsa gague, a bitsa, Kholaganyeco, Kholaganyeco!
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A lebelela, a bona kgosi e eme kgauswi le kokwane mojakong, balaodi le diphalafala ba eme kgauswi le kgosi; le ge ba rutwa go opela ditheto. Athalia a gagola diaparo tsa gagwe, a re: Bofetogedi, borabele.
Tswana Setswana 1970
A leba a bona kgosi e eme mo sefateng sa yona fa mojakong wa Tempele le dikgosana le ba diphala ba le fa kgosing le batho botlhe ba kwa nageng ba thabile, ba letsa diphala, le baopedi ba tshwere diletso, ba letsa tsa go duduetsa. Ke fa Athalea a ikgagola diaparo a re: “A pheretlhego! A pheretlhego!”