2 Chronicles 27:5 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Le gone a tlhabana le kgosi ya bana ba Amone, mme a ba fenya. Bana ba Amone ba mo naya ka ngwaga oo dikilokerame tsa selefera di le 3 400, le dikgetsi tsa mabele di le 10 000, le dikgetsi tsa barele di le 10 000. Bana ba Amone ba mo naya go le kalo le ka ngwaga wa bobedi le wa boraro.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Le gona a tlabana le khosi ea bana ba Amone, mi a ba thatahalela. Mi bana ba Amone ba mo naea litalenta li uan hundereda tsa selevera, le lilekanyo li ten thousanda tsa mabele, le li ten thousanda tsa barele ka ñuaga ouo. Tseuo bana ba Amone ba li isa go ena, le ka ñuaga oa bo‐tu le oa boteri.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A lwa gape le kgosi ya bana ba Amoni, a ba fenya. Le ngwaga woo bana ba Amoni ba mo nea ditalente tse lekgolo tsa silifera, le dikalo tse dikate tse lesome tsa korong le dikate tse lesome tsa garase.
Tswana Setswana 1970
Le gona a tlhabana le kgosi ya Baamone, a ba fenya, mme ka ngwaga oo Baamone ba mo ntshetsa ditalente di le 100 tsa selefera le dikgetse di le 10 000 tsa korong le di le 10 000 tsa garase; le ka ngwaga wa bobedi le wa boraro Baamone ba mo ntshetsa tse di kalo.