2 Chronicles 29:30 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gape kgosi Hesekia le dikgosana ba laola gore Balefi ba opelele Jehofa dipako ka mafoko a ga Dafite, le a ga Asafe mmoni. Ba opela dipako ka boitumelo, ba oba ditlhogo, ba obamela Modimo.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Le gona Yehisikie khosi le balaori ba raea Baleva go baka Yehova ka mahuku a Davide, le a Asafe molebi. Mi ba bakela boitumelo, mi ba oba tlogo ba obamela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go feta moo, Kgosi Hiskia le dikgosana ba be ba laetse Balefi gore ba opele Jehofa ka mantsu a Dafita le a Asafa mmoni. Ba opela dikosa tsa theto ka lethabo, ba khunama dihlogo tsa bona le ba rapela.
Tswana Setswana 1970
Jaanong kgosi Hesekia le dikgosana tsa laela Balefi go baka Morena ka mafoko a ga Dafita le a ga Asafe mmoni; mme ba baka ka boitumelo, ba be ba ikoba, ba obamela.