2 Chronicles 33:14 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jaana morago ga moo a agela motse wa ga Dafite lorako lo lo ka kwa ntle, go pota Gihone ntlheng ya bophirimatsatsi, mo molapong, go ya go fitlha fela kwa botsenong jwa kgoro ya ditlhapi; a lo potolosa Ofele, a o goletsa kwa godimo thata. A tsenya balaodisiwa ba ntwa ba ba pelokgale mo metseng yotlhe e e thekeleditsweng ya Juta.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi morago ga mouo a aga lorako lo lo kua eintle ga motse oa Davide, ha eintleñ ea Gihona ea Ueseta mo mogorogoroñ, le kua botsenoñ yoa khoro ea litlapi, mi loa rikologa Ofele, a lo gorisa segolu, mi a baea khosana tsa entua mo metseñ ea Yuda e e hemecoeñ eotle.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka morago ga moo a aga morako ka ntle ga Motse wa Dafita, ka thoko ya bodikala ya Gihone moeding, go fihla Kgorong ya Dihlapi, go dikologa Ofele, le a e phagamisetsa lefelong le le phagamego kudu. Metseng ka moka e sireleditswego ya Juda.
Tswana Setswana 1970
Morago ga moo a aga lobota lwa ka kwa ntle lwa motse wa ga Dafita go pota nokana ya Kihone ntlheng ya bophirima mo molapong le go fitlha kwa Kgorong ya Ditlhapi; a lo potolosa thota ya Ofele, a lo godisa thata, a ba a baya balaodi ba mephato mo metseng yotlhe e e femetsweng ya Juta.