2 Chronicles 6:36 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
“Fa ba go leofela (gonne ga go na motho ope yo o sa leofeng) fa o nna bogale nabo, o ba neela baba ba bone, mme ba ba isa ba golegilwe kwa lefatsheng le le kgakala, kgotsa le le gaufi;
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mogañ ba gu leohelañ, (gone go si mothu ope eo o sa leoheñ,) mi ha u ba galehela, u ba nela ha pele ga baba, mi ba ba cuara ba ba isa kua hatsiñ ye le khakala, khotsa ye le gauhe;
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
“E re fa ba go leofela – kana ga go na motho ope yo o sa leofeng! – mme o ba galefela, o ba neela mo diatleng tsa mmaba, mme bathopi ba bone ba ba isa mo botshwarong kwa lefatsheng le le kgakala gongwe le le gaufi.
Tswana Setswana 1970
“E re fa ba go leofela – kana ga go na motho ope yo o sa leofeng! – mme o ba galefela, o ba neela mo diatleng tsa mmaba, mme bathopi ba bone ba ba isa mo botshwarong kwa lefatsheng le le kgakala gongwe le le gaufi