2 Corinthians 1:6 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Le fa rona re le mo pitlaganong, e be e le gore lona lo bone kgomotso le poloko; kgotsa le fa re gomodiwa, e be e le gore lo bone kgomotso, e e dirwang mo go lona mo go itshokeleng dipogiso tse le rona re di bogang.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi leha re bogisioa, ki khomoco le puluko go lona, e e rihiloeñ mo go icokeleñ lipogisho tseuo, tse le rona re bogisioañ ka cona; khotsa leha re gomorioa, ki khomoco le puluko go lona.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Re mo matshwenyegong a magolo go lo tlisetsa kgomotso ya Modimo le poloko. Mme mo matshwenyegong a rona Modimo o re gomoditse ebile o re thusa gore re lo supegetse mo maitemogelong a rona ka fa Modimo o tlaa lo gomotsang ka kutlwelo botlhoko ka teng fa lo tsena mo dipogisong tse di tshwanang le tse. O tlaa lo naya nonofo go itshoka.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go sa setswe gore bjale re gateletswe, ke ka baka la khomotso le pholoso ya lena, bao ba mafolofolo go kgotlelela tlaisego yeo le rena re tlaiswago ke yona; le ge re homotswa, ke go homotswa le pholoso ya lena.
Tswana Setswana 1970
Mme fa re pitlaganngwa, e a be e le gore lo bone kgomotso le pholoso; gongwe fa re gomodiwa, e a be e le ka ntlha ya kgomotsego ya lona e e itshupang ka go itshokela tsona dipogo tse le rona re di bogang.