2 Corinthians 12:9 — Compare Translations

5 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Mme o ntheile a re: “Tshegofatso ya me e go lekanye; gonne thata ya me e lekanyediwa mo bokoeng.” Ke gone bogolo thata ke tlaa ipelafatsa ka makoa a me, gore thata ya ga Keresete e tle e nne mo go nna.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi a ’nthaea, Tsegohaco ea me e gu lekanye; gone thata ea me e rihoa botlalo mo bokoeñ. Ki gona ki tla belahalañ bogolu mo makoeñ a me, gore thata ea ga Keresete e nne mo go ’na.
Tswana 1993 (Lefoko: La Botshelo Kgolagano e Ntsha)
Nako le nako a re, “Nnyaa. Ke na nao, ke gone gotlhe mo o go tlhokang. Nonofo ya me e supiwa sentle mo bathong ba ba bokoa”. Jaanong ke itumelela go ipelafatsa ka bokoa jwa me; ke itumelela go nna sekao se se tshelang sa nonofo ya ga Keresete, mo boemong jwa go supa nonofo e e leng ya me, le tse ke ka di dirang.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Lea re go nna: Mogau wa ka o go lekane, ka gobane maatla a ka a phethagaditswe bofokoding. Ka gona ke tla ikgantsha ka mafokodi a ka, gore maatla a Keresete a dule go nna.
Tswana Setswana 1970
Mme Morena a nthaya a re: “Bopelotlhomogi jwa me bo go lekanye; gonne thata ya me e bonala ka botlalo mo bokoeng.” Ke gona ka moo bogolo ke tla ipokang ka makoa a me gore thata ya ga Keresete e nne mo go nna.