2 Kings 11:4 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
E rile ka ngwaga wa bosupa, Joiata a roma a ya go lere balaodi ba makgolo, ba Bakare le ba balebedi, a ba tlisa kwa go ene mo ntlong ya ga Jehofa; mme a dira kgolagano nabo, a ba ikanisa mo ntlong ya ga Jehofa, a ba supetsa morwa kgosi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi Yehoyade a roma ka ñuaga oa bo‐seven, a tlisa balaori ba mahundereda, le balaori, le batabogi, a ba tlisa go ena mo tluñ ea ga Yehova, mi a riha kholagano le bona, a ba ikanisa mo tluñ ea ga Yehova, a ba bontsa moroa khosi.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ka ngwaga wa bosupa Jehoyada a roma a lata balaodi ba makgolo le balaodi ba bahlapetsi, a ba tlisa go yena ka ntlong ya Jehofa, gore morwa wa kgosi.
Tswana Setswana 1970
Mme ka ngwaga wa bosupa moperesiti Joyata a roma a bitsa balaodi ba makgolo ba bafemedi ba kgosi le batabogi, a ba phuthela kwa Ntlong ya Morena a dira kgolagano nabo, a ba ikanisa mo Ntlong ya Morena, a ba bontsha morwa kgosi.