2 Kings 12:18 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Joaše kgosi ya Juta a tsaya dilo tse di itshepileng tsotlhe tse Jehošafate le Jehorame le Ahasia, borraagwe, dikgosi tsa Juta, ba na ba di tshwaetse Modimo, le dilo tse di itshepileng tse e leng tsa gagwe le gouta yotlhe e e fitlhelwang mo dikhumong tsa ntlo ya ga Jehofa, le tsa ntlo ya kgosi a di isa kwa kgosing ya Siria; ya itse go fularela Jerusalema.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Yoashe khosi ea Yuda a tsaea lilo tse ri tsephiloeñ cotle tse likhosi tsa Yuda, eboñ Yehoshafate, le Yorame, le Ahasie bo‐rague, ba li tsephileñ, le lilo tse ri tsephiloeñ tsa gague, le gouda eotle e e bonoañ mo mahumoñ a eintlu ea ga Yehova, le mo tluñ ea khosi, a li isa go Hasaele khosi ea Siria: mi a tlogela Yerusalema.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Joashe kgosi ya Juda a tsea dilo ka moka tse kgethwa tseo Jehoshafate le Jehorama le Ahasia borakgolokhukhu ba gagwe ba di kgateletsego, e lego letlotlo la ntlo ya Jehofa Morena a ba roma le ntlo ya kgosi go lwa le Hasaele kgosi ya Siria, a rotoga a etswa Jerusalema.
Tswana Setswana 1970
Ke fa Joase kgosi ya Juta a tsaya dineo tse di boitshepo tsotlhe tse Josafate le Jorame le Ahasia borraagwe dikgosi tsa Juta ba neng ba di abetse Ntlo ya Morena le dineo tse di boitshepo tsa gagwe le gouta yotlhe e e mo dikhumong tsa Ntlo ya Morena le tsa ntlo ya kgosi, a di romela Hasaele kgosi ya Siria. Ya baa gona a tlogelang Jerusalema.