2 Kings 14:26 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Gonne Jehofa o ne a bona patikego ya Baiseraele, fa go ne go le botlhoko thata; gonne go ne go sa sala ope yo o tswaletsweng le yo o itsamaelang fela le gone go se na mothusi ope wa Baiseraele.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Gone Yehova a bona pogisho ea Bayeserela, ha e le bogalaka bogolu: gone ga bo go sina ope eo o kopelecoeñ, le eo o tlogecoeñ, le esiñ mothusi ope oa Bayeserela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Jehofa o bone tlaisego ya Baiseraele e le e babago kudu;
Tswana Setswana 1970
Gonne Morena o ne a bonye pogisego ya Baiseraele e galaka thata; ba feletswe ke thata botlhe, go se na mothusi wa Iseraele.