2 Kings 23:14 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
A thubaganya maje a a metloutlo, a rema Medimako, mme a tlatsa maemo a dilo tseo ka marapo a baswi.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ea thuba licuanco tse ri thokhameñ, ea rema likhuana, ea tlatsa maemo a cona ka marapo a bathu.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
A pshatlaganya diswantsho tseo, a rema dihlare, a tlatsa mafelo a tsona ka marapo a batho.
Tswana Setswana 1970
Ya ba ya thubaganya majwe a a motloutlo, ya rema medimako ya Ašera, ya tlatsa felo ga tsona marapo a batho.