2 Kings 23:2 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Kgosi ya ya kwa ntlong ya ga Jehofa, e na le banna botlhe ba Juta le banni botlhe ba Jerusalema, le baperesiti, le baperofeti, le batho botlhe, bannye le bagolo; mme a bala mo ditsebeng tsa bone mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano lo lo bonyweng mo ntlong ya ga Jehofa.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi khosi ea ea kua tluñ ea ga Yehova, le banona ba Yuda botle le banni ba Yerusalema botle naeo, le baperise ti, le baperofeti, le bathu botle banye le bagolu: mi ea buisa mahuku aotle a buka ea kholagano mo tsebeñ tsa bona e e le ea bonoa mo tluñ ea ga Yehova.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Kgosi ya rotogela ntlong ya Jehofa le banna ka moka ba Juda le badudi ka moka ba Jerusalema le baperisita le baporofeta le setshaba ka moka go tloga go yo monyenyane go fihla go yo mogolo.
Tswana Setswana 1970
Kgosi ya ba ya tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena e na le banna botlhe ba Juta le baagi botlhe ba Jerusalema le baperesiti le baporofeti le morafe otlhe, ba babotlana le ba bagolo; mme mafoko otlhe a lokwalo lwa kgolagano lo lo bonyweng mo Ntlong ya Morena ya a buisa mo ditsebeng tsa bone.