2 Kings 23:4 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Kgosi ya laola Hilekia moperesiti yo mogolo, le baperesiti ba mophato wa bobedi, le balebedi ba kgoro, gore ba ntshe mo tempeleng ya ga Jehofa dilwana tsotlhe tse di diretsweng Baale, le Modimako, le bontsi jotlhe jwa legodimo. Mme a di fisetsa kwa ntle ga Jerusalema mo matlhagareng a Kiterone, a isa melora ya tsone kwa Bethele.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
¶ Mi khosi ea laola Hilekie moperiseti eo mogolu, le baperiseti ba phapano ea bo‐tu, le barisi ba moyako go entsa lilo cotle tse ri tsa riheloa Baale, secuanco sa sekhuana, le entua ea legorimo eotle mo tempeleñ ea ga Yehova: mi ea li hisetsa kua eintle ga Yerusalema mo nageñ tsa Kederona, ea belesetsa Betaela lorole loa cona.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Kgosi ya laela Hilikia moperisita yo mogolo, le baperisita ba bobedi le baleti ba kgoro gore ba ntshe tempeleng ya Jehofa dibjana ka moka tsa Baali, le dithokgwa ka moka tsa dithokgwa le madira ka moka a legodimo, ba fise bona mollong. Ka ntle ga Jerusalema nageng ya Kidrone le ba tlisa melora ya bona Bethele.
Tswana Setswana 1970
Kgosi ya ba laela Hilekia moperesiti yo mogolo le baperesiti ba ba tlhomaganang nae le badisa ba mojako gore ba ntshe dilo tsotlhe mo Tempeleng ya Morena tse di neng di diretswe Baale le Ašera le lesomo lotlhe la legodimo; tsa ba tsa fisediwa ka kwa ntle ga Jerusalema mo masimong a Kiterone; molora wa tsona wa isiwa kwa Bethele.