2 Kings 6:25 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga bo go le tlala e kgolo mo Samaria; mme bonang, ba nna fela ba o dikile go tsamaya tlhogo ya esela ya rekwa ka dipapetlana tsa selefera di le 80; le bontlha jwa bone jwa seelo se go tweng kaba ya mantle a maeba jwa rekwa ka diselefera di le tlhano.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ga na loshekeri lo logolu mo Samaria: mi bonañ, ba o tlaolelela, ea tsamaea tlogo ea esela e baparioa ka liselevera li eite, le kabelo ea bo‐for ea kaba ea masepa a matseba ka liselevera li faeve.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Go ile gwa ba le tlala e soro kua Samaria, le bona!
Tswana Setswana 1970
Ya re ba ntse ba o dikanyeditse jalo, ga nna tlala e kgolo mo Samaria ga tsamaya tlhogo ya esele ya rekwa ka dišekele di le 80 tsa selefera le karolo ya bone ya kabe ya mantle a maeba ya rekwa ka dišekele di le tlhano tsa selefera.