2 Kings 8:5 — Compare Translations
4 translations compared side by side
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Ga dirala ya re a sa ntse a bolelela kgosi jaaka a rudisitse motho yo o suleng, bona, mosadi yo morwawe o ne a mo rudisitse, a ikuela kgosi ka ga ntlo ya gagwe le ka ga lefatshe la gagwe. Gehasi a re: “Kgosi, morena wa me, mosadi ke ene yo, le morwawe ke ene yo, yo Eliša o mo rudisitseng.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi ga rihala ka a kakanyetsa khosi kaha o la a tserisa moshui ka gona, bonañ, mosari eo, moroaue Elishe o la a mo tserisa, a biletsa eintlu ea gague le leota ya gague go khosiñ. Mi Gehase a re, Khosi morena oa me, ki mosari eo, mi ki moroaue eo, eo Elishe o la a mo tserisa.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Ya re ge a be a botsa kgosi ka fao e busitsego setopo, ka baka la eng, bona! Gehasi a re: “Mong wa ka, kgosi, mosadi yo le morwa wa gagwe ba buseditse Elisa.”
Tswana Setswana 1970
Jaanong ya re a bolelela kgosi jaaka a kile a tsosa moswi, ga tlhaga ene mosadi yo a kileng a tsosa morwawe, a ipega mo kgosing ka ntlha ya ntlo ya gagwe le ka ntlha ya tshimo ya gagwe. Ke fa Kehasi a re: “Kgosi, mong wa me, mosadi yole ke ene yo; le morwawe ke ene yo, yo Elisa o kileng a mo tsosa.”