2 Samuel 12:3 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
mme monna wa sehumanegi a se na sepe fa e se kwanyana e namagatsanyana e le nngwe fela, e o ne a e rekile a e otlile; mme ya gola e nna nae le bana ba gagwe; e ne e ja dijo tsa gagwe, e nwa ga senwelo sa gagwe, e robala mo sehubeng sa gagwe, e nna mo go ene jaaka e ka bo e le ngwana wa mosetsana fela.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi eo o humanegileñ o la a sina sepe, ha e si kuanyana e e namagatsana e le eñue e o la a e reka a e risa: mi ea gola nae le mo baneñ ba gague; e le ea ya ga seyonyana sa gague, ea noa ga senoelo sa gague, ea robala mo hubeñ sa gague, mi ea na go ena yaka moroari e.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Eupsa modiidi yoo o be a se na selo, ge e se kwana e tee ya tshadi yeo a e rekilego le a e godisa. A ja senwelo sa gagwe, a nwa senwelo sa gagwe, a robala sehubeng sa gagwe, a ba bjalo ka morwedi go yena.
Tswana Setswana 1970
Mohumanegi ene a bo a se na sepe fa e se kwanyana e namagadi e le nngwe e a e rekileng, a e otla, ya gola e ntse e na nae le bana ba gagwe, e ja thathana ya gagwe, e nwa ka senwelo sa gagwe, e robala a e farile e le jaaka morwadie.