2 Samuel 15:2 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Abesalome o ne a tle a phakele a ye go ema fa tseleng ya kgotla ya motse; mme go dirale e re fa motho mongwe a na le sengwe se se tshwanetseng go ya go sekwa kwa kgosing, foo Abesalome a mmitse a re: “O motho wa motse ofe?” Mme a re: “Motlhanka wa gago ke wa lotso lwa sennanne lwa ditso tsa Baiseraele.”
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi Abesalome a phakela, a ema ha thoko ga tsela ea khoro: mi ga rihala, ha monona moñue eo o nañ le se se ganeloañ a ea kua khosiñ go siamisioa, Abesalome a mitsa, mi a re, U oa motse ohe? Mi ha a re, Motlañka oa gago ki oa loñue loa lico tsa Bayeserela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Abesalomo a tsoga e sa le ka pela, a ema ka thoko ga tsela ya kgoro; ya re ge motho a etla go kgosi gore a ahlolwe, Abesalomo a mmitsa a re: “O wa motse ofe?” A re: “Mohlanka wa gago o tswa go o mongwe wa meloko ya Baiseraele.”
Tswana Setswana 1970
Le gona Abesalomo o ne a tle a phakele a eme fa thoko ga tsela e e yang kwa kgotleng, mme mongwe le mongwe yo o nang le kgang, fa a ya kwa kgosing go atlholelwa, Abesalomo a mmitse, a mmotse a re: “O tswa kwa motseng ofe?” Mme e re fa a araba a re: “Motlhanka wa gago o tswa mo go longwe lwa ditso tsa Iseraele,”