2 Samuel 19:43 — Compare Translations

4 translations compared side by side

Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Banna ba Iseraele ba fetola banna ba Juta ba re: “Rona re na le dikabelo di le some mo kgosing, gape re na le tshiamo mo go Dafite e e fetang ya lona. Lo ne lo re nyaletsang, ka lo se ka lwa lopa kgakololo ya rona pele ka ga go busa kgosi?” Mme mafoko a banna ba Juta a ne a le bogale go mafoko a banna ba Iseraele.
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
Mi banona ba Bayeserela ba araba banona ba Bayuda, ba re, Re na le likabo li ten mo khosiñ, mi re na le bogolu go lona go Davide: ana lo re kaelañ lehela, ha lehuku ya rona le sa na ya eintla go bosa khosi ea rona? Mi lehuku ya banona ba Bayuda e le le thata go lehukuñ ya banona ba Bayeserela.
Tswana 2024 (Contemporary Tswana Bible 2024)
Banna ba Baiseraele ba araba banna ba Juda ba re: “Re na le dikarolo tse lesome go kgosi, re na le tshwanelo go Dafita go le feta; re busetsa kgosi ya rena? Ka gona mantsu a banna ba Juda a fenya mantsu a banna ba Baiseraele.
Tswana Setswana 1970
Mme banna ba Iseraele ba fetola banna ba Juta ba re: “Rona re na le dikabelo di le some mo kgosing. Le Dafita o re tshwanetse bogolo go lona. Lo re nyaletsang? A ga se rona re buileng pele ra re: ‘A re buseng kgosi ya rona’?” Mme mafoko a banna ba Juta a ne a le bokete, a fekeetsa a banna ba Iseraele.